[('tn.input.test.jpg', ['badisana ba ba tla itshokobegang teng fa mabaka a letla jalo.\nKe phitlhela go bona bomme ba nna mo morakeng, seo tota e a\nbo e le kwa masimong, dipatagane. A ga se gone go tlhakanya\nmae! Mme kana fa dikoko di tlhakantse mae, di na le go\ntsietsana fa di thuthusa ditsuane. E nngwe e ka nna ya gogoba\nleuelele lotlhe la ditsuane.\n\nBasimane ba moraka ba ne ba tshela sephologolo. Matepe a\na neng a diragala kwa gae, e ne e le botlhodi mo morakeng. Go\nne go batlega bophakamasela, e seng dikopa le bonnonoulwe.\nFa o le pharabanyaneng, ampo pharameseseng, o ne o ka jela\nmo lesweng kwa morakeng. Bommaijoo! ga ba na bonno kwa\nmorakeng. Kwa morakeng go tshela boadikgetlwe! A ga se\ntsone dithupa! Go nna mmampodi ampo thoboko kwa\nmorakeng, go ne go sa laolwe ke gore o tsetswe leng, gongwe o\nmorwa mang. Go ne go laolwa ke gore o fenya bomang ka\nmoretlwa. A ga o utlwe go twe: "Ya mosimane ke e nkgwe:" O\ndi arabela tsotlhe ka mokwatla.\n\nLo ka nna lwa tsosa sefetlho. Lo lwana ka metshikhiri. Lo\ntla ka dingata tse di boitshegang. Yo o felelwang ampo a\ntlholegang, o tla bo a fentswe. Go iwa jalo fela go fitlhela\nthoboko a itshupa. Mosimane yo e a reng o mo pega\nmotshikhiri a bo a setlhefala fela, o ne a itshupa di tsweletse.\nE seng ba ba diaparo, yo e a reng a angwa ke dibaka fela, a bo\na le gagarala, a leba kwa tleliniking. Bone ba e keteng ba\ntshediseditswe mo mafureng a digwana.\n\nFa tsa metshikhiri di fedile, go ka tsena tsa dithupa.\nMaretlwa ntate! Go dumelanwa ka palo ya mongwe le\nmongwe. Go itsa go tlamparelana jaaka re bona mo mosakong\nwa mabole, go bewa makgatlhe fa gare ga lona. A bewa mo go\nka se nneng le ope yo o ka a tlolang. Kana thupa ga e mafoko\nmantle bathobetsho. Mongwe e ka re go utlwa manokonoko, a\ntloga a fofela yo mongwe. A ga o bone thupa e sa tshware lere\nlekgopo. Fela gone ga re ise rele bone lebitla la thupa. Molao\nwa sekgwa ke thupa. Go tla bo go sekwang. 0 ka bewa mabele\na podi le fa e le mabele a kgomo. Go laola fela gore one o kana\nkang molato. Fa lo betsana ka dimba jalo, mosimane wa\n\n42\n'])]